Mark 5

Jesu o fodisa motho yo o nang le mewa e e maswe

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 5:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 5:1-2.
Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong.

3
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 5:4.
4
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 5:3-4.
Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang.
5Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale.

6Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe.

7
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 5:8.
8
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 5:7-8.
Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”

9Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, “Leina la gago ke mang?” moya o o maswe wa re, “Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo.”

10Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala. 11Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha. 12“Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe.”

13Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse. 14Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela. 15Mme batho ba le bantsi ba tloga ba kokoanela fa Jesu a neng a le teng. Ya re ba bona monna yoo a ntse fa fatshe, a apere e bile a ikutlwa sentle, ba tshoga thata.

16Bao botlhe ba ba neng ba bona se se diragetseng ba bolelela mongwe le mongwe ka ga sone. 17Mme bontsi jwa batho jwa simolola go rapela Jesu gore a tsamae a ba tlogele! 18Jalo a boela mo mokorong. Mme monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa Jesu gore a mo letle a tsamae nae. 19Mme Jesu a gana a mo raya a re, “Ya gae kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dintle tse Modimo o di go diretseng; le ka fa o ileng wa nna le kutlwelo botlhoko ka teng.” 20Hong monna a simolola go etela metse e le some mo tikologong eo a bolelela mongwe le mongwe ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme ba gakgamadiwa thata ke se o neng a se bolela.

Jesu o tsosa morweetsana mo losong

21Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing.

22Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe, 23a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”

24Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago. 25Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele. 27Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.

28Gonne o ne a gopotse ka boene gore, “Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola.” 29Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.

30Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”

31Barutwa ba mo raya ba re, “Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng.”

32Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo. 33Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng. 34Mme Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago.”

35Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle. 36Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, “Se boife! Ikanye nna.”

37Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane. 38Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso. 39A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!”

40Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.

41
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 5:42.
42
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 5:41-42.
A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, “Tsoga mosetsana!” (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata.
43Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je.
Copyright information for TsnLEF